Revelation of John 18

Go senngwa ga motse wa Babelona

1Mme morago ga mo gotlhe ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong ka taolo e kgolo, mme lefatshe la phatsimisiwa ke kgalalelo ya gagwe.

2A goa a re, “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula. 3Gonne dichaba tsotlhe di nole mofine o o bolayang wa boaka jwa gagwe jo bo feleletseng. Babusi ba lefatshe ba akafetse nae, le babapatsi mo lefatsheng lotlhe ba humisitswe ke botshelo jwa gagwe jwa letlepu.”

4Mme ka utlwa lentswe le lengwe le bitsa le tswa kwa legodimong le re, “Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae. 5Gonne dibe tsa gagwe di tlhatlagane selekanyo sa go fitlha kwa legodimong mme Modimo o ipaakanyeditse go mo atlholela melato ya gagwe. 6Mo direleng jaaka a lo diretse, le go feta foo, mo tlhatlaganyetseng petso ya ditiro tsa gagwe tse di bosula. O diretse batho ba le bantsi dinwelo tsa tatlhego, mo direleng fela jalo go menagane. 7O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’. 8Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.”

9Mme baeteledipele ba lefatshe, ba ba tlhakanetseng ditiro tse di maswe tsa boaka nae, ebile ba itumelela go ratwa ke ene, ba tlaa mo hutsafalela fa ba bona mosi wa setopo sa gagwe. 10Ba tlaa emela kgakala, ba roroma ka poifo ebile ba lelela kwa godimo ba re, “Ijoo, Babelone, motse o mogolo! Tshekiso ya gagwe e tsile ka nako e khutshwane.”

11Mme barekisi ba lefatshe ba tlaa mo lelela ka khutsafalo, gonne ga go ope yo o tlaa tlholang a reka dithoto tsa bone. 12Gonne e ne e le moreki wa bone yo mogolo wa gauta le selefera majana a botlhokwa, diperela, matsela a a boleta, sei e e bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo le mofuta mongwe le mongwe wa ditlhare tsa dinkgisa monate, dithoto tsa dinkgisa monate, dithoto tsa naka lwa tlou le dijana tsa logong tse di tlhwatlhwa kgolo le kgotlho le tshipi le mmabole; 13le ditswaiso tsa dijo, dinkgisa monate, le maswalo, setlolo le lebano, mofine, lookwane lwa motlhware, bopi jo bo boleta; korong, dikgomo, dinku, dipitse dikara le batlhanka, le mewa ya batho tota. 14Ba lela ba re, “Dilo tsotlhe tse o neng a di rata thata di fedile, dijo tse di metsegang le tse di kgorwang tse o ntseng o di rekisa ka tlhwatlhwa e kgolo ga di kitla di nna tsa gago gope. Di feletse ruri.” 15Mme jaanong barekisi ba ba humisitsweng ke go mo rekisetsa dilo tse, ba tlaa emela kgakala, ba boifa tlhokofatso, ba lela, ba re, 16“Ijoo, motse o mogolo o montle jaaka mosadi yo o apereng leloba le le boleta le bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo, o o kgabisitsweng ka gauta le majana a botlhokwa le diperela. 17Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala, 18ba lela fa ba bona mosi o tlhatloga, ba re, “Ke fa kae mo lefatsheng lotlhe mo go nang le motse o o ntseng jaaka o?”

19Mme ba tlaa itshela lorole mo ditlhogong ka kutlobotlhoko ba re, “Ijoo, Ijoo, a motse o mogolo! O o re humisitseng rotlhe ka dikhumo tsa one. Mme jaanong ka oura e le nngwe gotlhe go fedile…”

20Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse.

21Mme moengele yo mogolo a tsholetsa lefika le le tshwanang le lolwala a le latlhela mo lewatleng mme a goa a re, “Babelone, motse o mogolo, o tlaa latlhwa jaaka ke latlhile leje le mme o tlaa nyelela ka bosakhutleng. 22Ga go kitla go tlhola go nna le moopelo gone, ga go kitla go tlhola go nna le dipiano, diletso le ditorompeta. Ga go kitla go tlhola go nna madirelo a mofuta ope teng, e bile ga go kitla go tlhola go nna le tshilo ya mabele. 23Go tla nna lefifi le legolo thata mo go ene; ga go kitla go tlhola go bonala lesedi la lobone mo fensetereng. Ga go kitla go tlhola go nna le meduduetso ya lonyalo le boitumelo jwa banyadi le banyadwi. Barekisi ba gagwe ba ne ba itsege mo tikologong ya lefatshe lotlhe mme o tsieditse dichaba tsotlhe ka boloi jwa gagwe. 24Mme ke ene yo o neng a na le maikarabelo mo mading a baporofiti botlhe ba ba bolaetsweng tumelo le baitshepi.”
Copyright information for TsnLEF